Welcome to Setswana.co.za

Stories/Dinoolwane

Diphologolo Tsa Naga


Ga twe e rile, diphologolo di ne di bolawa ke tlala, fela le fa go le jalo di ne di tsoma gore kgosi ya tsone e se ke ya bolawa ke tlala. Ka jalo mafura a ne a beelwa Tau fela mme go se ope yo o tshwanetseng go a ja. Mmutla one o ne wa a ja mme wa se ke wa tshwarwa le fa go lemogilwe gore ke ena. Mmutla o ne a nyelela mme morago ga tla lenyora le le tona.

Letamo le ne le fetiwa ka dinala. Phokojwe a gana a tsamaya a ipatlela metsi le naga go fitlha dinoka tsotlhe di fela metsi. O ne a simolola go utswa metsi a letamo le a neng a gana go le epa. Diphologolo di ne tsa baya diphologolo ka go latelana gore di tsware Phokojwe fa a tlile go nwa. Fela tsa tlholwa. Ke fa khudu a ithaopa. E ne ya fitlha ya itara lejwe. Phokojwe a tshega a kotama mo godimo ga khudu a akanya gore diphologolo di ineetse e bile di a mo tshaba di meela le setulo.

Khudu a bo a boela morago gore ba mo tlotse mmele otlhe. Phokojwe o rile go tsurama mo godimo ga letlapa, a ba a kgomarela. O lekile go itaya ka mabole. Maoto le tlhogo, ga se ke ga thusa sepe. O rile fa a bona a tshwerwe, a re ena pe a bolawa, o tshwanetse go beolwa mogatla, o tshasiwe mafura, mme a dikolosiwe ka one.

O ne a tshemoga a falola. E rile a siile diphologolo tsotlhe, ya nna Tau fela yo o mo tswarang. A bo a loga maano go falola loso gape. O ne a fitlha mo go leng motshitshi wa dinotshe. A bo a kopa Tau gore ba rapele. Fa Tau a botsa gore ke modumo wa eng, a re ke diphologolo tse dingwe di a rapela. Tau o ne a tswala matlho a rapela. Phokojwe o ne a ngwega. Tau o ne a bula matlho a fitlhela naga, e le tshetlha. Ke fa a tsaya thobane a kgotlha dinotshe, tsa bo di mo loma. Phokojwe ga a ka felelwa ke maano le fa loso lo mo labile ka mo matlhong.


Molaetsa

“Phokojwe ka tota, go tshela yo o dithetsenyana.”