Welcome to Setswana.co.za

Poetry/Dipoko

Leboko La Kgosi Sekgoma Kgama II


Kgosikgolo of the Bangwato lived from 1815 to 1883.

E tlhalefile, kukuma ya Maphatshwa
Kwalata e e lonaka lohibidu
Ga e na le bonyana le bo bonnye
E ntse e tlhalefela go ditaya
Ka re bonye e kgalema fa Letšhaneng
E duma e gonokelela Nkeme
Mokalaka Ngwako a tshaba a sa ipate
Banna ba basimane ba lo game

Ga lo ke lo thetsa bo Raphorenyane
Ba dira di husitse, ba sa di thetsa
Ka ba bona tlou e ba setse morago
E e kgwa matlopi le ka magokare
Morwa Ntseane a pharama a wa
Ka a batlile go swa, Motshwedinyane
Fa e sa le segarona sa maloba
Segarona sa boo Mokgwana a Thebe
O ka lala roko jwa malalela ruri
Heela, heelang, ba Mosomane
Yaang lo buile, Matlotle a utlwile
Batho ba lelelang Rasekgwaneng

Lo re kgomo tse di kwa Madikwe di eme
Di eme fela, di se ka tsa twe sepe
Morwa Kgari o tla gapa tsa gagwe
Sekgoma a gape tse lo letseng lo di gapa
Morwa Kgari o tsamaisa Robotwe
Noga e ntsho ya go loma Segale
Ya loma Mokone lo ntseng lo mo kgantsha
Ga le a kgoka leru la bo Baboni
La kgoka fa gare ga motshegare le penne
Ya re kwa Ikotwe la tlhoma mookodi
Ga tlhola go tlabatlabelwa MaPhuti
Go dirwa Mošwete o re rapelele