Welcome to Setswana.co.za
Poetry/Dipoko
Leboko La Kgosi Sekgoma a Kgari
Re epele letsholo Ramfabatho
Wa ga Madieletsa wa ga Senyarelo
Re ye go dika majwe a bo Phalapye
Re dike mafatho a bo Taukgolo
E bo phologolo di tlhajwe ka dikgotshane
Tlou di tlhajwe ka dikwati
Go tlhabiwe bo Malwale ba batona
E re kobe di sale kwa digopong
Kwa digopong tsa ga Ramphašana
Mogatsa Goakileng tloga thata
Tloga thata o rake motse, Mokoko
Motse oo rrago o a senyega
Motse o tloga le bana ba bagami
O tloga le bana ba bo Monteng
Le bo Kgowe, morwa Dira a Phokela
Tlou ya perepere, tlou e ntse e a lola
Tlou e ntse e perepetsha batho
Tlou perepetsha barwa Segokotlo
O ye go ba gasa Majweng a Bokaa
Ba re ba ya go Mothajwa ba timele
Ba ya go rongwa ke Nkatswe digopo
Ba rongwe diphala nokeng ya Odi
Legodimo ga le na tsela, Tatedi
Sebeebee se bogale, Mmaphiri.