Welcome to Setswana.co.za
Poetry/Dipoko
Leboko La Bobedi La Kgosi Montshiwa
Le se ka la akela go atamela
Le ikutle ka morago le tshabe
Ke bua jaana, ke bua ke aka
Le ke bua jaana, ke bue mamema
Bomorwa Rakgoro ba jelwe e mang
BoParatorose ba jelwe ke mang?
Ba jelwe ke wena lemetsa kwelele
Ke lekau loo Saane le loo Seru
Modisa wa kgomo tsa ga MmaKgosi
Wa dikgosmo tsa ga MmaMaiketso
Yo e rile fa fatshe le tsewa a itshupa
E rile le tsewa a ka a menoga
A bitsa Dinku, a bitsa Lekoko
A re, "Ntlong kwano ba se tle go lo fatlha"
Bosigo bo sa sa, re tla tlhabana
A bosilo bo bo segwang ka legare
Ba bomorwa Mongale boMotlhabani
Yoo, ngwanaa ramotho ga ikanelwe
Motho o a ba a ikgaola khubu
Go itshwara madi e le go itatlha
Fa e beteletswe semokgako
Tshwana ya mokadiketlwa
Mosadi a latlha ngwana a mheta
A mo phuanya e kete ga mmone
BoPule a Bohula le balotsana
Ga lo a ka lwa buisa Phoi a duba
A ntse a jela motse jwala ba Makgowa?
E be ne ne a eletsa Setlagole
GooMaijane a sa go bone gope
Ba re kgosi e bokoa maoto le menwana
Mo mabogong le gone e bokoa
Le kgosi e e bokwang e kakojwa
Ke e e tshabang mosi wa tlhobolo
Mmerekedi wa lefatshe le batho
Ga a ka a sisimogwa go bokwa
Ba bua fela, bomaitse leleme
Ba bua ba itumelela setshego
Setshego se ba letse ba se tshegile