Welcome to Setswana.co.za
Poetry/Dipoko
Leboko La Barolong
Namane tsa tholo, Barolong
Di jang mogopo di o lala
Ba ga mogogoro wa leso
Ba ga gogomela
Ba ga Morara 'a Noto Barolong
Ke ntse ke sa lebale ba kwa Mahikeng
Ba ga bo Kebalepile ka ba gana go utlwa
Tseo ke namane tsa Tholo, ga di nke di lela
Ka sa tsona di ja mokgoro di o robala
Batho ba ba Goma ba ga Gogomela
Ba ga Morara 'a Noto Barolong